tn_gen_text_reg/42/26.txt

1 line
447 B
Plaintext

\v 26 Ba pega dikgetse tsa mabele mo ditonking tsa bone mme ba bolola go tswa koo. \v 27 E rile fa mongwe wa bone a bula kgetse ya gagwe go neela tonki ya gagwe dijo kwa ba letseng teng, a bona madi a gagwe. Bonang a ne a le fa molomong wa kgetse ya gagwe. \v 28 A raya barwarraagwe a re, ''Madi a me a busitswe. A boneng; a mo kgetseng ya me.'' Mme dipelo tsa bone tsa tshoga, ba roroma ba lebana. Ba re, ''Ke eng se Modimo a se re dirileng se?''