tn_gen_text_reg/48/11.txt

1 line
478 B
Plaintext

\v 11 \v 12 \v 13 Iseraele a raya Josefa a re, ''Ke ne ke sa solofele go ka bona sefatlhego sa gago gape, mme Modimo o ntetleletse go bona bana ba gago.'' Josefa a ba ntsha mo gare ga mangole a ga Iseraele, mme a inamisetsa sefatlhego sa gagwe fa fatshe. Josefa a ba tsaya ka bobedi, Iforeimi ka seatla sa gagwe sa moja a mo isa kwa seatleng sa molema sa ga Iseraele, le Manase ka seatla sa gagwe sa molema go mo isa kwa seatleng sa moja sa ga Iseraele, a ba atametsa fa go ene.