tn_gen_text_reg/50/15.txt

1 line
453 B
Plaintext

\v 15 Fa barwarraa Josefa ba bona gore rraabone o sule, ba re, ''Re tla dira jang fa Josefa a ka batla go bosulosa bosula jo re bo mo dirileng?'' \v 16 Jalo ba bitsa Josefa, mme ba re, ''Rraago o ntshitse taolo pele a a swa a re, \v 17 'Bolelelang Josefa se, ''Tsweetswee itshwarele molato wa barwarraago le boleo jwa bone fa ba ne ba go direla bosula.''' Jaanong tsweetswee itshwarele batlhanka ba Modimo wa ga rraago.'' Josefa a lela fa ba bua le ene.