tn_gen_text_reg/50/07.txt

1 line
449 B
Plaintext

\v 7 Josefa a tsamaya a ya go boloka rraagwe. Badiredi botlhe ba ga Faro ba tsamaya le ene - ba bagolo ba ntlo ya gagwe, le badiredi ba bagolo botlhe ba lefatshe la Egepeto, \v 8 le botlhe ba ntlo ya ga Josefa le barwarraagwe, le ba ntlo ya ga rraagwe. Mme bana ba bone, matsomane a bone le matlhape a bone tsa sala mo lefatsheng la Goshene. \v 9 Dikolotsana tsa ntwa le bapalami ba dipitse ba tsamaya le ene. E ne e le setlhopha se segolo sa batho.