tn_gen_text_reg/48/11.txt

1 line
501 B
Plaintext

\v 11 Iseraele a raya Josefa a re, ''Ke ne ke sa solofele go ka bona sefatlhego sa gago gape, mme Modimo o ntetleletse le gone go bona bana ba gago tota.'' \v 12 Josefa a ba ntsha mo gare ga mangole a ga Iseraele, mme a obega a inamiseditse sefatlhego sa gagwe fa fatshe. \v 13 Josefa a ba tsaya ka bobedi, Iforeimi ka seatla sa gagwe sa moja a mo isa kwa seatleng sa molema sa ga Iseraele, le Manase ka seatla sa gagwe sa molema go mo isa kwa seatleng sa moja sa ga Iseraele, a ba atametsa fa go ene.