tn_gen_text_reg/48/05.txt

1 line
563 B
Plaintext

\v 5 Mme jaanong barwao ba babedi, ba o ba tsholetsweng mo lefatsheng la Egepeto pele ke tla kwa go wena mo Egepeto, ke ba me. Iforeimi le Manase e tla nna ba me, fela jaaka Rubene le Simeone e le ba me. \v 6 Bana ba o tla nnang le bone fa morago ga bone e tla nna ba gago; ba tla balwa le barwarraabone mo bosweng jwa bone. \v 7 Mme fa e le nna, fa ke ne ke tswa Patane, ka kutlobotlhoko Ragele o ne a swela mo lefatsheng la Kanana mo tseleng, go santse go setse sekgala go ya kwa Eforatha. Ke ne ka mmoloka koo mo tseleng go ya Eforatha''(ke gore, Bethelehema).