tn_gen_text_reg/46/01.txt

1 line
516 B
Plaintext

\c 46 \v 1 Iseraele a tsaya leeto la gagwe ka tsotlhe tse a nang le tsone a ya kwa Beeresheba. A feta a ntshetsa Modimo wa ga Isaka rraagwe ditlhabelo koo. \v 2 Modimo a bua le Iseraele mo ponatshegelong bosigo a re, ''Jakoba, Jakoba.'' A re, ''Ke fano.'' \v 3 A re, ''Ke Modimo, Modimp wa ga rraago. O se ka wa boifa go ya kwa Egepeto, gonne ke tla go dira morafe o mogolo koo. \v 4 Ke tla ya le wena kwa Egepeto, mme ammaaruri ke tla boa ke go ntsha gape, e bile Josefa o tla go tswala matlho ka seatla sa gagwe.''