tn_gen_text_reg/31/41.txt

1 line
470 B
Plaintext

\v 41 Dingwaga tse 20 tse ke ne ke le mo ntlong ya gago. Ke go bereketse dingwaga tse 14 ke berekela barwadio, le dingwaga tse 6 ke berekela letsomane. O fetotse dituelo tsa me ga lesome. \v 42 Fa e ne e se gore Modimo wa ga rre, Modimo wa ga Aborahama, ene yo Isaka a mmoifang, o ne a na le nna, e le ruri jaanong o ka bo o nthometse gae ke sa tshola sepe. Modimo o bone kgatelelo ya me le ka fa ke berekileng ka thata ka teng, mme a go kgalema bosigo jo bo fetileng.''