tn_gen_text_reg/30/14.txt

1 line
464 B
Plaintext

\v 14 E rile ka nako ya thobo ya mabele Rubene a fitlhela maungo a moratiso mo tshimong.A a tlisa kwa go Lea mmagwe. Ragele a raya Lea a re,'' mpha bontlha bongwe jwa maungo a moratiso a ngwana wa gago.'' \v 15 Lea a mo raya a re,'' A ke selo se se nnye mo go wena, gore o tsere monna wame? a jaanong o batla go tsaya moratiso wa ngwanake gape?'' Ragele a re,''mpha bontlha bongwe jwa moratiso wa ngwana wa gago,nna ketla go letlelela go lala le ene bosigo jono''.