tn_gen_text_reg/29/15.txt

1 line
474 B
Plaintext

\v 15 Foo Labane a raya Jakoba a re, ''A o ka nperekela fela go sena tuelo ka gore o lesika la me? Mpolelele, dituelo tsa gago e tla nna eng?'' \v 16 Jaanong Labane o ne a na le bana ba basetsana ba babedi. Leina la yo motona e ne e le Lea, mme la yo monnye e le Ragele. \v 17 Matlho a ga Lea e ne a le bokoa, mme Ragele o ne a le montle mo popegong le mo tebegong. \v 18 Jakoba o ne a rata Ragele, jalo a re, ''Ke tla go berekela Ragele morwadio yo monnye dingwaga tse 7.''