tn_gen_text_reg/29/01.txt

1 line
547 B
Plaintext

\c 29 \v 1 Foo Jakoba a tswelela le leeto la gagwe mme a fitlha kwa lefatsheng la batho ba botlhabatsatsi. \v 2 E rile a leba, a bona sediba mo nageng, mme, bonang, matsomane a 3 a dinku a ne a robetse fa thoko ga sone. Gonne ba ne ba nosa matsomane go tswa mo sedibeng, mme letlapa le le mo molomong wa sediba le ne le le legolo. \v 3 E ne e re fa matsomane otlhe a phuthegetse fa go sone, badisa ba pitikolole letlapa go tswa mo molomong wa sediba ba bo ba nosa dinku, go tloga foo ba beye letlapa gape mo molomong wa sediba, mo mannong a lone.