tn_gen_text_reg/12/17.txt

1 line
512 B
Plaintext

\v 17 Mme Jehofa a otlhaya Faro le ba ntlo ya gagwe ka lebaka la ga Sara, mosadi wa ga Aberame. \v 18 Faro a biletsa Aberame kwa go ene, mme a re, ''Ke eng selo se o se dirileng mo go nna? Ke ka go reng fa o ne o sa mpolelele go re ke mosadi wa gago? \v 19 Ke ka go reng fa o ne o re , ''Ke kgaitsadiake'' go dira go re e tle e nne mosadi wame? Jaanong, tsaya mosadi wa gago o tsamae." \v 20 Mme Faro a ntshetsa banna ba gagwe ditaelo, mme ba mo fa tsela go tsamaya, ga mmogo le tsotlhe tse a neng a na le tsone.