\c 18 \v 1 Modimo a iponagaletsa Aborahame ko ditlhareng tsa Oake kwa Mamere, a ne a ntse mo kgorong ya tante go le mogote mo motshegareng. \v 2 A leba kwa godimo, a bona banna ba bararo ba eme kgakala le ene. Erile a ba bona, a tabogela kwa go bone go ba kopantsha, kwa kgorong ya tante a bo a ba ikobela fa fatshe.