\v 24 Josefa a raya barwarraagwe a re, ''Ke gaufi le go swa; mme ammaaruri Modimo o tsile go tla kwa go lona go le etelela go tswa mo lefatsheng le, go le isa kwa lefatsheng le a ikanneng go le neela Aborahama, Isaka le Jakoba.'' \v 25 Foo Josefa a dira gore batho ba Iseraele ba ikane maikano. O ne a re, ''Ammaaruri Modimo o tsile go tla kwa go lona. Ka nako eo le rwale marapo a me go tswa fa.'' \v 26 Jalo Josefa a swa a le dingwaga di le 110. Ba omeletsa serepa sa gagwe mme ba se baya mo lekeseng mo Egepeto.