\v 24 Ka nako ya pelegi, mme bona, ga bo go le mawelana mo sebopelong sa gagwe. \v 25 Ngwana wa ntlha a tla a le mohibidu mmele otlhe jaaka seaparo se se bobowa. Ba mmitsa Esau. \v 26 Morago ga mo, monnawe a tla letsogo la gagwe le tshwere serethe sa ga Esau. A tewa leina gotwe Jakobe. Isake a bo a le dingwaga di le 60 fa mosadi wa gagwe a belega.