1 line
466 B
Plaintext
1 line
466 B
Plaintext
\v 29 Fa e le wena, kgosi, dikakanyo tsa gago mo bolaong jwa gago di ne di le ka ga dilo tse di tla tlang, mme yo o senolang masaitseweng o go itsesitse se se leng gaufi le go diragala. \v 30 Fa e le nna, masaitseweng a ga ke a a senolelwa ka lebaka la botlhale bope jo ke nang le jone go feta ope motho yo o tshelang. Masaitseweng a ke a senoletswe gore wena, kgosi, o tle o tlhaloganye gore a raya eng, le gore o tle o itse dikanyo tse di boteng tse di mo go wena. |