tn_dan_text_reg/02/27.txt

1 line
507 B
Plaintext

\v 27 Taniele a araba kgosi a re, ''Masaitseweng a kgosi a boditseng ka one ga a ka ke a senolwa ke ba ba nang le botlhale, kgotsa ba ba ikayang fa ba bua le baswi, borramasalamose le fa e le ba ba lepang motsamao wa dinaledi. \v 28 Le fa go ntse jalo, go na le Modimo yo o nnang kwa magodimong, yo o senolang masaitseweng, mme o go itsesitse kgosi Nebukatenesara, dilo tse di tla diragalang mo matsatsing a a tlang. Se ke toro le ponatshegelo ya tlhaloganyo ya gago jaaka o ne o rapame mo bolaong jwa gago.