tn_dan_text_reg/11/44.txt

1 line
380 B
Plaintext

\v 44 Mme dikgang tse di tswang kwa botlhabatsatsi le kwa bokone di tla mo tshosa, mme o tla tswa ka bogale jo bogolo go senya mo go feletseng le go tlhaolela bangwe kwa thoko gore ba senngwe. \v 45 O tla tlhoma tente ya bonno jwa gagwe jwa segosi fa gare ga mawatle le thaba ya bontle jwa boitshepo. O tla tla kwa bokhutlong jwa gagwe, go tla se ke go nne le ope yo o mo thusang.