tn_dan_text_reg/04/36.txt

1 line
520 B
Plaintext

\v 36 \v 37 Gone fela foo fa tlhaloganyo e e tshedileng e boela mo go nna, borena le bontle tsa mpoela ka lebaka la kgalalelo ya bogosi jwa me. Bagakolodi ba me le banna ba batlotlegi ba batla go ratiwa ke nna. Ke ne ka buselediwa kwa setilong sa bogosi sa me, le bogolo jwa me ka bo neelwa. Jaanong, nna Nebukatenesara, ke boka, ke tsholetsa, ebile ke tlotla kgosi ya legodimo, gonne ditiro tsotlhe tsa gagwe di siame, le ditsela tsa gagwe ga di gobelele. O kgona go kokobetsa ba ba tsamayang mo boikgantshong jwa bone.