tn_dan_text_reg/04/24.txt

1 line
421 B
Plaintext

\v 24 \v 25 Se ke thanolo, kgosi. Ke taolo e e tswang kwa go Mogodimodimo e e fitlhileng kwa go wena, mongwame kgosi. O tla kobiwa go tswa mo bathong, o tla nna le diphologolo tsa naga. O tla dirwa gore o hule bojang jaaka pholo, o tla kolobediwa ke monyo o o tswang magodimong, mme dingwaga tse 7 di tla feta go fitlhela o amogela gore Mogodimodimo o busa magosi a batho le gore o a neela ope yo a batlang go a mo neela.