tn_dan_text_reg/04/20.txt

1 line
548 B
Plaintext

\v 20 \v 21 \v 22 Setlhare se o se boneng - se neng sa gola, se setlhoa sa sone se neng sa fitlha kwa magodimong, se se neng se bonwa go fitlha kwa bofelelong jwa lefatshe - se matlhare a sone a neng a le mantle, le maungo a sone a le mantsi, gore mo go sone go nne le dijo tsa botlhe, se diphologolo tsa naga di neng di nna moriti, le dinonyane tsa magodimo di nnang mo dikaleng tsa sone - setlhare se, kgosi, ke wena, yo o neng wa gola go nna thata. Bogolo jwa gago bo fitlha kwa magodimong, le taolo ya gago e fitlha kwa bofelelong jwa lefatshe.