tn_dan_text_reg/04/17.txt

1 line
526 B
Plaintext

\v 17 \v 18 Tshwetso e e tla ka taolo e e tlang ka morongwa. Ke tshwetso e e tserweng ke ba ba boitshepo gore ba ba tshelang ba itse gore Mogodimodimo o busa magosi a batho e bile o a neela ope yo a eletsang a a okamela, le fa e le banna ba ba ikokobeditseng thata.' Nna, Nebukatenesara, ke lorile toro e. Jaanong, wena, Beleteshasara, mpolelele thanolo, gonne ga go na ope wa banna ba ba botlhale mo bogosing jwa me yo o kgonang go e nthanolela. Mme wena o kgona go e ranola, gonne mowa wa badimo baba boitshepo o mo go wena.