tn_dan_text_reg/04/10.txt

1 line
583 B
Plaintext

\v 10 \v 11 \v 12 Tse ke dilo tse ke di boneng fa ke rapame mo bolaong ba me. Ke ne ka leba kwa godimo, ka bona setlhare se se neng se le fa gare ga lefatshe, boleele jwa sone bo le bogolo. Setlhare sa gola sa nonofa. Setlhoa sa sone sa fitlha kwa magodimong, se ne se bonala kwa dikhutlong tsa lefatshe lotlhe. Matlhare a sone a ne a le mantle, maungo a sone a le mantsi, se ne se na le dijo tsa dilo tsotlhe. Diphologolo tsa naga di ne tsa nna moriti ka fa tlase ga sone, dinonyane tsa magodimo tsa nna mo dikaleng tsa sone. Dibopiwa tsotlhe tse di tshelang di ne di ja mo go sone.