tn_dan_text_reg/04/07.txt

1 line
516 B
Plaintext

\v 7 \v 8 \v 9 Go tloga foo ga tla borramasalamose, ba ba ikayang ba bua le baswi, borramatlhale le balepi ba metsamao ya dinaledi. Ka ba bolelela toro mme ba palelwa ke go e nthanolela. Mme kwa bofelong ga tsena Taniele - ene yo o reeletsweng modimo wa me Beleteshasara, yo a nang le mewa ya medimo - ka mmolelela toro. '''Beleteshesara, kgosi ya borramasalamose, ke a itse gore mewa ya badimo e mo go wena le gore ga go na masaitseweng a a thata mo go wena. Mpolelele se ke se boneng mo torong le gore se raya eng.