tn_dan_text_reg/06/26.txt

1 line
417 B
Plaintext

\v 26 Ke le fa, ke ntsha taolo gore gope kwa bogosi jwa me bo laolang teng, batho ba rorome ba bo ba boife fa pele ga Modimo wa ga Taniele, gonne ke Modimo yo o tshelang e bile o tshelela ruri, bogosi jwa gagwe ga bo ka ke jwa senngwa; go busa ga gagwe ga go na phelelo. \v 27 O a re boloka ebile o a re namola, o dira dikai le dikgakgamatso kwa legodimong le mo lefatsheng; o somaretse Taniele mo thateng ya ditau.''