tn_dan_text_reg/02/07.txt

1 line
534 B
Plaintext

\v 7 Ba fetola gape ba re, ''A kgosi a re bolelele toro, rona batlhanka ba gagwe, re tla go bolelela gore e raya eng.'' \v 8 Kgosi a araba, ''Ke itse ka tlhomamo gore le batla nako gape ka lebaka la go bo le bona ke sa sute mo tshwetsong e ke e tsereng ka se. \v 9 Mme fa le sa mpolelele toro, go na le katlholo e le nngwe fela e e le lebanyeng. Le sweditse go baakanya mafoko a tsietso le maaka a le batlang go mphetodisa mogopolo ka one. Jalo he, mpoleleleng toro, go tloga foo ke gone ke tla itseng gore le kgona go e nthanolela.''