tn_dan_text_reg/11/33.txt

1 line
546 B
Plaintext

\v 33 Ba ba botlhale gareng ga batho ba tla dira gore bontsi bo tlhaloganye. Mme ba tla kgopiwa ka lebaka la tshaka le ka lebaka la kgabo ya molelo; ba tla kgopiwa ba bo ba wela mo botshwarong le go thukhuthiwa ka matsatsi a se mantsi. \v 34 Mo go kgopiweng ga bone, ba tla thusiwa ka thuso e nnye. Mo boitimokanying bangwe ba tla itshwaraganya le bone. \v 35 Bangwe ba ba ba botlhale ba tla kgopiwa gore go tlhotlhwa go ba diragalele, le go tlhapisiwa, le go siamisiwa, go fitlhelela nako ya bokhutlo. Gonne nako e e beilweng e santse e tla tla.