tn_dan_text_reg/11/25.txt

1 line
602 B
Plaintext

\v 25 O tla tsoseletsa maatla a gagwe le pelo ya gagwe kgatlhanong le kgosi ya borwa ka sesole se segolo. Kgosi ya borwa o tla bolotsa ntwa ka sesole se segolo, se se maatla, mme ga a na go ema gonne bangwe ba tla mo logela segwenegwene. \v 26 Le ba ba jang dijo tsa gagwe tse di monate ba tla leka go mo senya. Sesole sa gagwe se tla gogolwa jaaka morwalela, mme bontsi jwa sone bo tla bolawa. \v 27 Dikgosi tse ka bobedi jwa tsone, jaaka ba ikaeletse go direlana bosula, ba tla nna fa tafoleng e le nngwe mmogo ba aketsanya, mme ga go na go thusa sepe. Gonne bokhutlo bo tla tla ka nako e e beilweng.