tn_dan_text_reg/11/23.txt

1 line
459 B
Plaintext

\v 23 Go tloga ka nako e tshwaragano e dirwang le ene, o tla dira boferefere; o tla nonofa ka batho ba ba palo potlana. \v 24 Ka ntleng le tlhagiso o tla tsena mo bontlheng jwa kgaolo jo bo humileng, mme o tla dira se rraagwe, le fa e le rraagwe rraagwe a iseng a se dire. O tla phatlalatsa gareng ga basalamorago ba gagwe dilwana tse a di utswitseng, tse a di gapileng, le khumo. O tla dira leano la go diga dikago tsa phemelo, mme e le selo sa nakwana fela.