tn_dan_text_reg/11/20.txt

1 line
530 B
Plaintext

\v 20 Foo mongwe o tla emelela mo boemong jwa gagwe, yo o tla dirang gore mokgethisi a kgabaganye ka lebaka la bontle jwa bogosi. Mme mo matsatsing a a latelang o tla thubega, mme e se ka go tenega kgotsa mo ntweng. \v 21 Mo boemong jwa gagwe go tla emelela motho yo o nyatsegang yo batho ba neng ba ka se ka ba mo neela tlotla ya maatla a bogosi; o tla tla a sa solofelwa, mme o tla tsaya bogosi ka tsietso. \v 22 Sesole se tla gogolwa jaaka morwalela fa pele ga gagwe. Sesole mmogo le moeteledipele wa kgolagano ba tla senngwa.