tn_dan_text_reg/11/17.txt

1 line
608 B
Plaintext

\v 17 Kgosi ya bokone o tla ikaelela go tla ka maatla a bogosi jwa gagwe jotlhe, mme o tla tla a tshotse tumalano e a tla e dirang le kgosi ya borwa. O tla mo neela morwadia basadi go mo nyala gore a senye bogosi jwa borwa. Mme leano le ga le na go atlega, e bile ga le na go mo thusa. \v 18 Morago ga se, kgosi ya bokone o tla itebaganya le ditlhakatlhake, mme o tla gapa di le dintsi. Mme molaola sesole o tla fedisa makgakga a gagwe, mme o tla dira gore makgakga a gagwe a boela mo go ene. \v 19 Foo o tla itebaganya le dikago tsa phemelo tsa lefatshe la gagwe, mme o tla kgopiwa a wa; ga a kitla a bonwa.