tn_dan_text_reg/11/05.txt

1 line
528 B
Plaintext

\v 5 Kgosi ya kwa borwa o tla nonofa, mme mongwe wa baeteledipele ba sesole sa gagwe o tla nonofa go mo feta, mme o tla busa bogosi jwa gagwe ka maatla a magolo. \v 6 Morago ga dingwaga di se dintsi, fa nako e le maleba, ba dira tumalano ya go tshwaragana. Morwadia kgosi ya borwa o tla tla kwa kgosing ya bokone go rurifatsa tumalano. Mme ga a na go tshegetsa maemo a gagwe, le kgosi ga a na go ema, le fa e le bana ba gagwe tota. O tla tlogelwa - ene le ba ba mo tsisitseng, le rraagwe, le yo a neng a mo thusa ka dinako tseo.