tn_dan_text_reg/10/04.txt

1 line
512 B
Plaintext

\v 4 Ka letsatsi la bo 24 la kgwedi ya bo 1, jaaka ke ne ke le fa thoko ga noka e kgolo( ya Taekirisi), \v 5 ka leba kwa godimo ka bona monna a apere letsela, le lebante mo lethekeng le dirilwe ka gauta ya tlhwatlhwa ya kwa Uphase. \v 6 Mmele wa gagwe o ne o tshwana le letlapa la topase, sefatlhego sa gagwe o kare legadima. Matlho a gagwe a ne a tshwana le mabone a a tukang, matsogo le maoto a gagwe o kare kgotlho e phatsimisitswe. Modumo wa mafoko a gagwe o kare modumo wa matshwititshwiti a magolo a batho.