tn_dan_text_reg/08/09.txt

1 line
371 B
Plaintext

\v 9 Go tswa mo longweng lwa tsone ga tlhoga lonaka lo longwe, lo le lo nnye kwa tshimologong, mme lwa nna logolo thata kwa borwa, kwa botlhabatsatsi, le kwa lefatsheng la bontle. \v 10 Lo ne lwa nna logolo mo lo neng lwa lwantshana le sesole sa legodimo. Bontlha bongwe jwa sesole le bontlha bongwe jwa dinaledi tsa digelwa tlase mo lefatsheng, mme lwa di gata ka dinao.