tn_dan_text_reg/04/20.txt

1 line
576 B
Plaintext

\v 20 Setlhare se o se boneng - se se neng sa gola, se bogodimo jwa sone bo neng bo fitlha kwa magodimong, se se neng se bonwa go fitlha kwa bofelelong jwa lefatshe - \v 21 se matlhare a sone a neng a le mantle, le maungo a sone a neng a le mantsi, gore mo go sone go nne le dijo tsa botlhe, se diphologolo tsa naga di neng di nna moriti, le dinonyane tsa magodimo di neng di nna mo dikaleng tsa sone - \v 22 setlhare se, kgosi, ke wena, yo o neng wa gola go nna thata. Bogolo jwa gago bo godile bo fitlha kwa magodimong, le taolo ya gago e fitlha kwa bofelelong jwa lefatshe.