tn_dan_text_reg/04/17.txt

1 line
535 B
Plaintext

\v 17 Tshwetso e ke ya taolo e e begwang ke morongwa. Ke tshwetso e e tserweng ke ba ba boitshepo gore ba ba tshelang ba itse gore Mogodimodimo o busa magosi a batho e bile o a neela ope yo a eletsang a a okamela, le fa e le banna ba ba ikokobeditseng thata.' \v 18 Nna, kgosi Nebukatenesara, ke lorile toro e. Jaanong, wena, Beleteshasara, mpolelele thanolo, gonne ga go na ope wa banna ba ba botlhale mo bogosing jwa me yo o kgonang go e nthanolela. Mme wena o kgona go e ranola, gonne mowa wa badimo ba ba boitshepo o mo go wena.''