tn_dan_text_reg/04/01.txt

1 line
446 B
Plaintext

\c 4 \v 1 Kgosi Nebukatenesara a romela taolo e kwa bathong, ditshabeng, le ditemeng tse di neng di nna mo lefatsheng; ''A kagiso ya lona e oketsege. \v 2 Go ne ga lebega go le molemo mo go nna gore ke le itsese ka dikai le dikgakgamatso tse Mogodimodimo a di ntiretseng. \v 3 Dikai tsa gagwe di dikgolo jang, le dikgakgamatso tsa gagwe di maatla! Bogosi jwa gagwe ga bo fele, le puso ya gagwe e nnetse ruri go tswa kokomaneng go ya kokomaneng.''