tn_dan_text_reg/03/03.txt

2 lines
602 B
Plaintext

\v 3 Go tloga foo balaodi ba dikgaolo, balaodi ba dikgaolokgolo, balaodi ba legae, mmogo le bagakolodi, batsholamadi, baatlhodi, bomakaseterata le badiredi ba maemo ba dikgaolo ba phuthega kwa go neelweng
ga sefikantswe se Nebukatenesara a se tlhomileng. Ba ema fa pele ga sone. \v 4 Foo moanamisi wa melaetsa a goela kwa godimo, ''Le a laelwa batho, ditshaba le diteme, \v 5 gore ka nako ya fa le utlwa modumo wa dinaka, difulutu, disitha, dilaeya, diharepa, diphaephe le mefuta yotlhe ya moopelo, le tshwanetse la wela fatshe la ribamela sefikantswe sa gauta se kgosi Nebukatenesara a se tlhomileng.