tn_dan_text_reg/02/34.txt

1 line
492 B
Plaintext

\v 34 O ne wa leba kwa godimo, mme letlapa la segwa, e se ka diatla tsa motho, la itaya sefikantswe mo dinaong tsa sone tsa tshipi le letsopa mme tsa phatlakana. \v 35 Go tloga foo, tshipi, letsopa, kgotlho, selefera le gauta ka nako e le nngwe tsa phatloga tsa phatlalala tsa tshwana le mmoko mo seboaneng go le selemo. Phefo ya di fokela kgakala ga se ka ga nna le sepe sa tsone se se salang. Mme letlapa le le iteileng sefikantswe la fetoga thaba e kgolo e e neng ya tlala lefatshe lotlhe.