tn_dan_text_reg/02/31.txt

1 line
499 B
Plaintext

\v 31 Kgosi, o ne wa leba kwa godimo wa bona sefikantswe se se tona. Sefikantswe se, se se neng se le maatla thata e bile se phatsima, se ne se le fa pele ga gago. Go phatsima ga sone go ne go boitshega. \v 32 Tlhogo ya sefikantswe se e ne e dirilwe ka gauta e e tlhwatlhwa. Sehuba le matsogo a dirilwe ka selefera. Mpa ya sone le dirope di ne di dirilwe ka kgotlho, \v 33 fa maoto a sone a ne a dirilwe ka tshipi. Dinao tsa sone di ne di dirilwe ka bontlha bongwe jwa tshipi le bontlha jwa letsopa.