\v 36 E e ne e le toro ya gago. Jaanong re tla bolelela kgosi gore e raya eng. \v 37 Wena, kgosi, o kgosi ya dikgosi tse Modimo wa legodimo a di neileng bogosi, maatla, thata le tlotla. \v 38 O go file mo seatleng sa gago lefelo la fa batho ba nnang teng. O beile diphologolo tsa naga le dinonyane tsa magodimo mo seatleng sa gago, mme a go dira gore o buse magareng ga tsone tsotlhe. Ke wena tlhogo ya gauta ya sefikantswe.