\v 21 O fetola dinako le dipaka; o tlosa dikgosi ebile o tlhoma dikgosi mo ditilong tsa tsone tsa bogosi. Ba ba botlhale o ba neela botlhale, mme kitso o e neela ba ba nang le go tlhaloganya. \v 22 O senola dilo tse di kwa teng tse di fitlhegileng, gonne o itse tse di mo lefifing gape lesedi le nna mo go ene.