\v 33 Taolo e e ne ya diragadiwa gone foo mo go Nebukatenesara. O ne a lelekwa go tswa mo bathong. O ne a hula bojang jaaka pholo, mmele wa gagwe wa kolobediwa ke monyo o o tswang kwa magodimong. Moriri wa gagwe wa gola jaaka diphofa tsa ntsu, le dinala tsa gagwe jaaka dinala tsa nonyane.