tn_dan_text_reg/02/41.txt

1 line
627 B
Plaintext
Raw Normal View History

\v 41 Fela jaaka o bone, dinao le menwana di ne di dirilwe ka bontlha bongwe jwa letsopa le le besitsweng le ka bontlha bongwe jwa tshipi, e tla bo e le bogosi jo bo kgaoganeng; bothata jwa tshipi bo tla bo bo le mo go jone, fela jaaka o bone tshipi e kopantswe le letsopa le le boleta. \v 42 Jaaka menwana ya dinao e ne e dirilwe ka bontlha jwa tshipi le jwa letsopa, bogosi jo bo tla bo bo le thata ka ntlha e nngwe gape bo thubega motlhofo ka ntlheng e nngwe. \v 43 Jaaka o bone tshipi e kopantswe le letsopa le le boleta, batho ba teng ba tla bo ba le motswako; ga ba na go nna mmogo, jaaka tshipi e sa tswakane le letsopa.