tn_dan_text_reg/04/04.txt

1 line
417 B
Plaintext
Raw Normal View History

\v 4 \v 5 \v 6 Nna, Nebukatenesara ke ne ke tshela ka boitumelo mo ntlong ya me, ke akola katlego mo ntlong ya bogosi ya me. Mme toro e ke nnileng le yone e ne ya ntshosa. Jaaka ke ne ke rapame foo, ditshwantsho tse ke di boneng le diponatshegelo tse di neng di le mo tlhaloganyong ya me di ne tsa ntshwenya. Jalo ke ne ka ntsha taolo go biletsa banna ba Babilona ba ba nang le botlhale kwa go nna go nthanolela toro.