tn_2sa_text_reg/04/11.txt

1 line
480 B
Plaintext

\v 11 Go tla nna go golo go le kae, fa banna ba ba boikepo ba bolaile motho yo o senang molato mo ntlong ya gagwe mo bolaong jwa gagwe, a jaanong ga ke a tshwanela go batla madi a gagwe mo seatleng sa lona, mme ke le tlose mo lefatsheng?'' \v 12 Foo Tafita a laela makau, mme ba ba bolaya, mme ba kgaola diatla le dinao tsa bone ba bo ba ba lepeletsa fa thoko ga mogobe kwa Heberone. Mme ba ne ba tsaya tlhogo ya ga Ishiboshethe ba e boloka mo lebitleng la ga Abonere mo Heberone.