tn_2sa_text_reg/03/12.txt

1 line
417 B
Plaintext

\v 12 \v 13 Foo Abonere a romela barongwa kwa go Tafita go bua le ene ba re, ''Lefatshe le ke la ga mang? Dira kgolagano le nna, mme o tla bona gore seatla sa me se na le wena, go tsisa Iseraele kwa go wena.'' Tafita a araba, ''Go siame, ke tla dira kgolagano le wena. Mme selo se le sengwe se ke se tlhokang ke gore ga o na go bona sefatlhego sa me ntleng le gore o tsise Mikale, morwadia Saulo, fa o tla go mpona.''