tn_2sa_text_reg/24/18.txt

1 line
447 B
Plaintext

\v 18 \v 19 \v 20 Foo Gate a tla kwa go Tafita mo letsatsing leo, mme a mo raya a re, ''Tsamaya o ye go agela Modimo Yahweh aletara kwa seboaneng se se phothelang sa ga Arauna wa Mojebusi.'' Jalo Tafita a emelela a tsamaya jaaka Gate a ne a mo laetse, jaaka Modimo Yahweh a laotse. Arauna a leba kwa ntle mme a bona kgosi le batlhanka ba gagwe ba atamela. Jalo Arauna a tswela kwa ntle mme a ikoba fa pele ga kgosi ka sefatlhego se lebile fatshe.