tn_2sa_text_reg/21/15.txt

1 line
577 B
Plaintext

\v 15 Foo Bafilisitia ba boa ba ya ntweng gape le Iseraele. Jalo Tafita a tswa le sesole sa gagwe, mme ba lwa le Bafilisitia. Tafita a gatelelwa ke letsapa la ntwa. \v 16 Ishibibenobo, wa kokomane ya mekaloba, yo segai sa gagwe se neng se le bokete jwa dishekele di le makgolo a mararo, yo o neng a tshotse tshaka e ntsha, a ikaelela go bolaya Tafita. \v 17 Mme Abishai morwa Seruia a namola Tafita, a tlhasela Mofilisitia mme a mmolaya. Foo banna ba ga Tafita ba mo ikanela, ba re, ''O se ka wa tlhola o ya ntweng le rona gape, gore o tle o se ka wa tima lebone la Iseraele.''