tn_2sa_text_reg/13/32.txt

1 line
425 B
Plaintext

\v 32 Jehonatabe morwa Shama, morwarraa Dafite, a araba a re, ''A mong wa me a se ka a dumela gore ba bolaile bannana botlhe ba e leng barwa ba kgosi, gonne ke Amonone fela yo o suleng. Abosalomo o rulagantse se go tloga ka letsatsi le Amonone a beteletseng kgaitsadie Tamare ka lone. \v 33 Jalo a mong wa me a se ka a tseela pego e kwa pelong, go dumela gore barwa botlhe ba kgosi ba sule, gonne go sule Amonone a le nosi.''